Baebele Ke Yone Tsela Ya Go Ya Legodimong

Video

June 7, 2016

 

Baebele e tlhamaletse ka poloko ya mowa. Ga se fela ka gore o siame go le kae. Bontsi jwa batho ba akanya gore ke basiami, ebile ba tlaa goroga kwa legodimong fela ka gore ke basiami, mme Baebele ya re "Botlhe ba dirileng boleo ebile ba tlhaela kgalalelo ya Modimo” (Baroma 3:23) Baebele ya re, “Jaaka go kwadilwe, ga go na mosiami, Le fa e bile a le mongwe.” (Baroma 3:10) Ga ke mosiami. Ga o mosiami, mme ebile ga nne go ya ka bosiami jwa rona go tsena ka legodimo, ga go ope wa rona yo o neng a tla tsena.

1. Amogela gore o moleofi

Baebele mme gape e tlhalosa mo go Tshenolo 21:8 gore “Mme ba ba boifang, ba ba sa dumeleng, ba ba bosula babolai, baloi, diaka, ba ba obamelang Medimo ya disetwa le ba ba buang maaka ba tla nna le seabe mo lewatleng le le tletseng kgabo ya molelo, mme seo e tlaa bo e le loso lwa bobedi.” Ke kile ka bua maaka. Mongwe le mongwe o kile a bua maaka, rotlhe re kile ra bua maaka, mme ebile re dirile dilo tse di maswe go gaisa maaka. A re nneng boammaaruri. Rotlhe re tswanelwa ke go ya diheleng.

2. Itemogele katlholo ya boleo

Mme Baebele yare “ Mme Modimo o laola lorato la gagwe mo go rona, ka gore erile re santse re le baleofi, Jesu a re swela.” (Baroma 5:8) Jeso Keresete, ka gore o a re rata, o tsile mo lefatsheng. Baebele ya re e ne e le Modimo mo senameng. Modimo ka jalo o ne a tsere setshwano sa motho. Jeso o tshidile botshelo jo bo senang boleo, ga a ka a dira boleo bope, mme gammaanete ba mmetsa Ba mo kgwela mathe, mme ba mmapola sefapaanong. Baebele yare fa a le mo sefapaanong seo “Ene ka sebele o ne a rwele maleo a rona ka mmele wa gagwe mo setlhareng.” (1 Petere 2:24) Ka jalo maleo otlhe a o kileng wa a dira, le otlhe a ke kileng ka a dira- e ne e kete a dirilwe ke ene Jeso ka sebele. O ne a bogisediwa maleo a rona. Mme ba tsaya setopo sa gagwe a sena go swa, ba se boloka mo phuphung, mme mowa wa gagwe wa tsena ka dihele malatsi a le mararo le masigo a le mararo (Ditiro 2:31) mmme morago ga malatsi a mararo a tsoga mo baswing, a itshupa mo barutweng a le diphatlha mo mabogong. Baebele e tlhamaletse gore Jeso o swetse mongwe le mongwe. Ya re “ga a ka a swela maleo a rona fela, mme o swetse maleo a lefatshe lotlhe.” 1 Johane 2:2). Mme go sengwe se re tshwanetseng go se dira go itshwarelwa dibe. Baebele ena le potso eo mo go Ditiro kgaolo 16, gore “ke direng gore ke bolokwe? Mme ba re, dumela mo go Morena Jesu Keresete, mme o tla bolokwa, le ba ntlo ya gago.” Ke gone gotlhe, GA A ISE are, “Tsena kereke, mme o tla bolokwa, kolobediwa mme o tla bolokwa, tshela botshelo jo bo siameng mme o tla bolokwa. Ikotlhaele maleo a gago otlhe, mme otla bolokwa. NNYAA. O rile “dumela.”

3. Dumela gore Jesu o re swetse, mme a bolokwa, a bo a tsoga gape a direla wena.

Le fa e le temana ee itsegeng thata mo Baebeleng yotlhe, Ee umakiwang mo tlase ga senwelo kwa “In and Out Burger.” E itsege thata. Mongwe le mongwe o utlwile ka yone:(Johane 3:16) “Modimo o ratile lefatshe mo go go kalo, a ntsha morwawe yo o tsetsweng a le esi, gore ope fela yo o dumelang mo go ene a seka a swa, mme a nne le botshelo jo bo sa khutleng.” Mme bosakhutlheng ke bosakhutlheng ele ruri. Go raya bosakhutlheng, mme Jeso o rile, “Ke ba abela botshelo jo bo sakhutlheng, mme ga ba kitla ba a swa, mme ebile ga go ope o ka tlholang a ba tlosa atleng same.” (Johane 10:28) Baebele e bolela gape mo lokwalong lwa ga Johane 6:47, “ Ammaaruri, ammaaruri ke a lo raya, gore ope fela o dumelang mo go nna o na le botshelo jo bo sa khutlheng.” Ka jalo fa o dumela mo go Jeso Keresete, Baebele ya re o na le botshelo jo bo sa khutlheng. O ya go tshela botshelo jo bo sa khutlheng. Ga o kake wa latlhegelwa ke poloko ya gago. Ke ya bosakhutlheng, ke ya bosakhutlheng. Fela fa o setse o bone poloko ya mowa, fela fa o dumetse mo go ene, o bone poloko ya bosakhutlheng, o boloketswe go ya go ileng, mme le fa go ka reng, ga o kitla o latlhegelwa ke poloko ya gago. Le fa ke ka tswa ka ya go dira boleo jo bo boitshegang, Modimo o tlaa a nkotlhaela mo lefatsheng leno. Fa ke ka tswa ka ya go bolaya motho gompieno, Modimo O ka netefatsa gore ke a otlhaiwa, ke tsena kgolegelo, kgotsa go feta foo, ke atlholelwa leso. Le fa gontse jalo, lefatshe leno le a nkotlhala, ebile Modimo o tlaa netefatsa gore ke otlhaiwa le go feta, mme ga ke ye diheleng. Ga go sepe se nka se dirang go ya diheleng ka gore ke bone poloko, mme fa nka tshokane ke ile diheleng, Modimo o tlaa bo a sa bua nnete. Ka gore o solofeditse gore ope yo o dumelang mo go ene o na le botshelo jo bo sa khutlheng, ebile o rile “ Ope yo o tshelang e bile a dumela mo go nna ga a kitla a swa.” Ke gone ka moo go nang le dikai tse dintsi tsa batho ba ba dirileng ditiro tse di maswe mo Baebeleng, mme ba kgonne go tsena ka kgoro ya legodimo. Jang? A ke ka ba ne ba siame thata? NNYAA, ke ka gore ba ne be dumela mo go Morena Jeso Keresete. Dibe tsa bone di itshwaretswe. Batho ba bangwe ba ba kileng ba tshela botshelo jo bo siameng mo matlhong a selefatshe, kgotsa gongwe ba tshedile botshelo jo bo botoka, fa ba sa dumele mo go Jeso Keresete, ba tlaa tshwanelwa ke go ya diheleng go otlhaelwa maleo a bone.

4. Tshepha keresete fela jaaka mmoloki wa gago.

A ke fetse jaana: sengwe sa dilo tse ke batlang go nna boammaruri mo go sone le go bua ka sone gompieno ke gore go ne go na le potso e e neng e boditswe Jesu ke mongwe wa barutwa ba gagwe, mme Potso eo ele gore: a gona le bangwe ba se e kae ba ba tlaa bolokwang? Seo ke potso e ntle, akere? A bontsi jwa batho ba a bolokwa? Kgotsa ke palo e potlana ee tla a bonang poloko ya mowa? Ke mang fa yo o akanyang gore bontsi jwa batho ba tlaa ya legodimong – gore bontsi jwa batho mo lefatsheng ba tlaa ya legodimong? Akanya gore karabo e ne ya nna eng: O ne a re mo lokwalong la Mathaio 7 gore, “tsena ka kgoro e e tlhamaletseng, ka gore e e bulegileng ke e e isang kwa tsenyegong, mme ebile bontsi jwa ba ba tsenang ka yone ba a senyakiwa, mme ebile e tshesane ke yone ya botshelo, mme ebile ga se ba le bantsi ba ba kgonang go tsena ka yone.” (Mathaio 7:13-14) Mme a tswelela a re: “ Ga se mongwe le mongwe yo o tlaa reng Morena, Morena, yoo tlaa bonang bogosi jwa legodimo, mme ke fela yoo tlaa diragatsang thato ya ga ntate yoo kwa legodimong. Bontsi bo tlaa nthaya bo re mo letsatsing leo, Morena, Morena, a re ne ra seka ra porofita mo leineng la gago, mme mo leineng la gago re ne ra koba matimone, mme mo leineng la gago re ne ra koba matimone, mme ebile ra dira dikgakgamatso? Mme le fa go ntse jalo foo ke tla ba bolelela ke re: Ga ke ise nke ke lo itse! Tlogang fa go nna, lona ba lo dirang bosula.” (Mathaio 7:21-23) Santlha, bontsi jwa batho mo lefatsheng ebile ga ba supe fa ba dumela mo go Jeso. Ka bolesego bontsi jwa setlhophana se se fano ba re ba dumela mo go Jeso, mme bontsi mo lefatsheng ga ba re ba dumela mo go Jeso. Mme Modimo o tlhagisitse gore le bangwe ba ba ipayang ekete ba dumela mo go Jeso, le ba ba mmitsang Morena, bontsi bo tlaa mo raya ba re “re dirile dikgakgamatso tsotlhe! Ke ka goreng re sa bolokwe!” O tla a ba raya a re, “ Tswaang, ga ke ise ke lo itse.” Ke ka gore poloko ga se ka ditiro, mme ebile fa o tshepha ditiro tsa gago go go boloka, fa o ikantse go ya legodimong ka gore o kolobeditswe, Fa o dumela gore, “Ke tsaya gore o tshwanetse go tshela botshelo jo bo siameng, ke akanya gore o tshwanetse go sala morago ditaelo gore o bolokwe, ke dumela gore o tshwanetse go tsena kereke, ke dumela gore o tshwanetse go tlogela dibe tsa gago.” Fa o tshepha ditiro tsa gago fela, tsatsi lengwe Jeso o tlaa go raya are, “Tswaa mo go nna, ga ke ise ke tsamaye ke go itse.” O tshwanetse go nna le tumelo mo go se a se dirileng. O tshwanetse wa baya tumelo ya gago mo go se Jeso a se dirileng mo sefaapanong fa a go swela, jaaka a ne a bolokiwa a bo a tsoga mo baswing. Yeo ke yone pasa ya go tsena ka kgoro ya legodimo. Fa o tshepha dilo tse dingwe, o ipolelela gore, “Nnyaa mme ke tlaa ya legodimong ka gore ke mokeresete yoo siameng, mme ke dira dilo tse tsotlhe tse di siameng.” O tlaa go raya are, “Tsamayang, tswang mo go nna.” Ela tlhoko se a se buileng, “Tsamayang, ga ke ise ke tsamaye ke lo itse.” Ga a ise are, “ Ke kile ka lo itse.” Fela fa a ka go itse, gakologelwa gore ke rileng go le pele: ke botshelo jo bo sa khutlheng. Fela fa a ka go itse, o tla bolokwa bosakhutlheng. O tsile go re, “tsamayang, ga ke ise ke tsamaye ke lo itse,” ka gore fa o ka ya diheleng, ke ka gore ga a ise a tsamaye a go itse. Ka gore fela fa a go itse, o go itse tota. Fela jaaka bongwanake ele bongwanake go ya bokhutlong. Fa lo tsetswe sesha, fa o le ngwana wa gagwe, o tlaa nna ngwana wa gagwe go ya goileng. O ka tswa o le ngwana yo o kgaphetsweng kwa thoko mo lolwapeng la gaeno. O ka tswa o le mongwe yo o kgalemelwang thata ke Modimo mo lefatsheng le le ka kwano. O ka tshameka ka botshelo jwa gago ka kwano lefatsheng, mme ga o kake wa tshameka ka poloko ya mowa wa gago. Fela fa o bolokilwe, ke sone selo sa botlhokwa. Ke sone selo sa konokono se ke neg ke batla go se le rolela ka malatsi a bofelo, mme re na le metsotsonyana fela Gore re botse dipotso ka poloka ya mowa Kgotsa ka motlha wa bofelo. Jeso yoo rategang, ke itse fa ke le moleofi. Ke itse fa ke tshwanelwa ke go ya diheleng. Mme ke dumela fa o ntshwetse mo sefaapanong mme wa tsoga mo baswing. Ka tswee-tswe boloka mowa me fela jaanong Mme o mphe botshelo jo bo sa khutlheng. Ke tshepha wena fela, Jeso. Amen.

 

 

 

mouseover