Gatela Sione ("Marching to Zion" in Setswana

Video

April 7, 2015

Dingwaga tse di dikete di bone tse di fetileng, Modimo o ne a iponagatsa go Aberame ko Mesopotamia a re, “Tloga, o tswe mo lefatsheng la gaeno, le mo go bagaeno, le mo ntlong ya ga rraago, o ye kwa lefatsheng le ke tlaa le go supetsang. Ke tla dira morafe o mogolo ka wena” Aberame a obamela Morena a ya ko lefatsheng le a neng a le solofeditswe la Kanana ko a neng a nna teng le morwa wa gagwe Isaka le ngwana wa ngwana wa gagwe Jakoba, yoo o neng morago a bidiwa “Iseraele.

Iserale le barwa ba gagwe ba ba lesome le bobedi ba ne baya ko Egepeto ka go ne go le leuba mo lefatsheng la Kanana, mme ba ntsifala ba nna chaba e kgolo. Ma-Egepeto ba ne ba tshosiwa ke tshaba ee mashetla e tshela le bone, ka jalo ba ne ba ba berekisa thata ka go ba dira makgoba le go ba gatelela. Morago ga dingwaga tse di makgolo a mane le masome a mararo mo Egepeto, ba ne ba ntshiwa mo bokgobeng ke Moshe, ba bo ba kgabaganya Lewatle le Lehibidu, babo ba ya ko Arabia, ko ba neng ba amogela molao wa Modimo ko thabeng ya Senai.

Losika la Iseraele le le duleng ko Egepeto le Moshe le ne la seka la letlelelwa go tsena ko lefatsheng le ba neng ba le soloditswe ka go bo ba ne ba tlhoka tumelo mo Moreneng. Ba ne ba patalesega kaila kaila mo sekakeng dingwaga di le masome mane go fitlhela go tsoga losika lo losha le le neng le tshepile mo Moreneng, le le neng la tsena ko lefatsheng le ba neng ba le solofeditswe le Joshua.

Mo dingwageng tse di ka nnang makgolo a le mane, merafe e masome mabedi ya Iseraele e ne e laolwa ke baatlhodi ka molao wa ga Moshe. Fa ba ne ba eletsa go nna le kgosi go tshwana le merafe e mengwe, Modimo o ne a baya Saulo go nna kgosi ya bone, yoo busitseng dingwaga di le masome a mane, a latelwa ke Dafide yoo busitseng dingwaga tse di masome a mane, ga latela ngwana wa ga Dafide e bong Solomon yo o neng a busa dingwaga tse di masome a mane. Ka nako ya fa Solomon a busa, bogosi jwa Iseraele bo ne bo galalela thata; tempele ya ntlha e ne ya agiwa, mme ka pelo ya ga Solomon e ne ya tswa mo Moreneng ka nako ya fa e le monnamogolo, Modimo o ne a mmolelela gore merafe e le lesome e tla seka ya busiwa ke ngwana wa gagwe.

Morago ga leso la ga Solomon, bogosi jwa Iserale bo ne jwa kgaogana, merafe e e lesome ya bokone e ne ya busiwa ke dikgosi ka go latelana tse di neng di le boikepo tse di sa tsweng mo losikeng la ga Dafide le Solomon. Bogodi jo jwa Bokone bo ne jwa sala ka leina la Iseraele mme toropo kgolo ya jone e ne e bidiwa Samarea. Bogosi jo bonnye jwa Borwa bo ne bo itsege ka leina la Juda, ko toropo kgolo e neng e le Jerusalema, bo bosiwa ke losika la ga Dafide. Go tswa mo 2 Dikgosi 16, batho ba ba tswang ko bogosing jwa Borwa ba ne ba bidiwa “Bajuda,” go tswa mo leineng la bogosi jwa Juda.

Ka go bo bogsi jwa Bokone jwa Iseraele bo ne bo le boikepo, ba ne ba thapiwa ke Ma Asaria. Ba ba neng ba setse ba ne ba tlhakatlhakana le dichaba tsa baheitane ba ba neng ba le mo lefatsheng. Batho ba, ba ne ba itsege ka leina la Ma-Samarea. Dichaba tse di lesome tsa bokone jwa Iseraele, ga di ise di nne chaba gape.

Bogosi jwa borwa jwa Juda bo ne jwa felela bo gapelwa ko Babilona e le kotlhao ya go rapela medimo ya disetwa; le tempele e ne ya senngwa, mme e rile morago ga dingwaga di le masome a supa, Bajuda ba ne ba boela ko Juda, ba aga gape tempele ya Jerusalema, ba bo ba tswelela ba buswa ke dikgosi tse di tswang mo tshikeng ya ga Dafide.

Ka nako ya ga Keresete, chaba ya Juda e ne e itsege ka leina la Judea e laolwa ke mmuso wa Baroma. Jesu Keresete le barutwana ba gagwe ba ne ba rera mafoko aa molomo mo Judea ba senka dinku tse di neng di latlhegile tsa ntlo ya Iseraele. Morago ga dingwaga tse tharo le sepatlho tsa go rera ga bone, Bajuda ba ne ba itatola Jesu gore ke Mesia, mme ba dira gore mmuso wa Roma o bapole Jesu. Morago ga malatsi a le mararo, o ne a tsoga gape mo baswing, a iponagatsa a tshela go barutwana ba gagwe pele a tlhatlhogela kwa godimo go ya go nna mo letsogong la moja la ga Rara yoo kwa legodimong.

Moragonyana pele Jesu a bapolwa, o ne a bonetse ko pele gore e tla re fa ba sena go mo itatola, Jesusalema o tla sha, le gore tempele e tla senngwa, le gone gore Bajuda ba tla gapiwa mo dichabeng tsotlhe tsa lefatshe. Ponatshegelo pele e, e ne ya diragala ka ngwaga wa 70 morago ga go tsholwa ga ga Jesu (70 A.D) fa mmuso wa Baroma wa ga Tito o ne o fenya Jerusalema. Go feta dingwaga tse di sekete le ngwaga tse di boroba bobedi, Bajuda ba ne ba sala ba gasagasame le dichaba tsotlhe.

Mme ka ngwaga wa 1948 ga diragala mo go sa itsegeng. Lefatshe la Iserale le ne la thamiwa, Bajuda ba boela gape ko Jerusalama go gapa lefatshe la bone. Bakeresete ba le bantsi ba tseela gore go thama ga Iseraele ka 1948 e ne e le tiragatso ya Modimo go ba busetsa ko lefatsheng le ba neng ba le solofefitswe. A mme se e ne e le tshegofatso ya Morena, kgotsa se ke tiragolo ya lefifi? Kgatiso e e na le dikarabo tsotlhe.

 

 

 

mouseover